Khomishene ya Ditshwanelo Tsa Batho e Kgothaletsa Puso go Tlotla Kgololesego ya Batho
Khomishene ya Ditshwanelo Tsa Batho ya kwa South Korea e kopa puso gore e tlotle ditshwanelo tsa batho ba digakolodi tsa bone di sa ba letleng go tsenela bosole.
“Tshwetso E e Di Gaisang Tsotlhe mo Ngwageng Ono”
Kgotlatshekelo ya Boikuelo ya Gwangju ga e bone molato makawana a mararo a a ganneng go tsenela bosole. Batho ba letetse tshwetso ya kgotlatshekelo ya molaotheo.
Maiteko a Russia a go Thibela Kgololesego ya Bodumedi a Gakalela Pele
Basupi ba tla kopa Kgotlatshekelo ya Moscow gore e busetse morago tshwetso ya Mosekisi wa Naga ya go tswala lekala la Basupi le le kwa St. Petersburg.
Khamera e ba Tshwere: Bosetlhogo jo bo Dirwang ke Badiredi ba Puso ya Russia go Tlhama Bosupi
Khamera e bontsha bosetlhogo jo bo ileng jwa dirwa ke mapodise a Nezlobnaya go leka go tlhama bosupi jwa gore Basupi ba ga Jehofa ba kotsi mo setšhabeng.
Basupi ba ga Jehofa ba Sekisiwa Gape Kwa Taganrog—Tshiamololo Eno e Tla Fela Leng?
A Basupi ba le 16 ba kwa Russia ba tla tsenngwa mo kgolegelong ka ntlha ya tumelo ya bone
Basupi ba ga Jehofa Kwa Azerbaijan ba a Ikuela
A Azerbaijan e tla tlotla maitlamo a yone a go letla batho go obamela ka kagiso ka go golola basadi ba ba se nang molato, e bong Irina Zakharchenko le Valida Jabrayilova, le go letla Basupi go obamela ka kgololesego?
Kgotlatshekelo ya Ukraine e Tsaya Tsia Tshwanelo ya go Gana go Tsenela Bosole
Dikgotlatshekelo tsa kwa Ukraine tsa re tshwanelo ya motho ya go dirisa segakolodi, ga e ka ke ya thibelwa ka ntlha ya pabalesego ya naga.
Kgotlakgolo ya Botsamaisi ya Fora e Fedisa Tlhaolele
Magolegwa a kwa Fora a a batlang gore Basupi ba a etele a na le kgololesego ya go tlhopha bodumedi jo ba bo batlang fela jaaka magolegwa a mangwe le one a dira.