Dintlha ka South Korea
Go setse go fetile dingwaga di feta 100 Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba obamela Modimo ka kgololesego kwa Korea. Mme kgwetlho e kgolo e ba lebaneng le yone kwa South Korea ke ya gore puso ya naga eo e sekisa Basupi ba digakolodi tsa bone di sa ba letleng go tsenela bosole.
South Korea ga e na molao o o sireletsang batho ba digakolodi tsa bone di sa ba letleng go tsenela bosole e bile ga e na ditiro tse motho a ka dirang fa a sa batle go tsenela bosole. Ka jalo, makawana a Basupi a a ganang go tsenela bosole a tsenngwa dikgwedi di le 18 mo kgolegelong. Kgwedi le kgwedi, Basupi ba le 40 go ya go 50 ba tsenngwa mo kgolegelong. Seno ke bothata ka gonne le fa Basupi bano ba gololwa, ba sa ntse ba na le rekoto ya gore ke dikebekwa le gore ba ganne go tsenela bosole. Seno se dira gore go nne thata gore ba bone tiro le gore puso e kgone go ba thusa ka ditirelo dingwe.
Batho ba e neng e le masole ba bo ba ithuta Baebele mme jaanong ba rata baagelani ba bone ba lebana le mathata a a tshwanang. Le fa ba sa ntse ba ka bidiwa nako nngwe le nngwe gore ba boele bosoleng, ba a sekisiwa e bile ba laelwa gore ba duele madi a mantsi ka gonne ba gana go ya go ikatisetsa bosole.
Komiti ya Ditshwanelo Tsa Batho ya UN e ntshitse dikatlholo di feta 500 kgatlhanong le puso ya South Korea gore e tlogele go gataka ditshwanelo tsa batho ba digakolodi tsa bone di sa ba letleng go tsenela bosole. Mo godimo ga moo, komiti eo ya re go tsenngwa ga batho bano mo kgolegelong “ga go ka fa molaong.” Gape e ile ya tlhalosa gore South Korea e “emise go gataka ditshwanelo tsa batho ka tsela eo.” Fa South Korea e ka dira jalo, seo se tla bo se bontsha gore e tlotla tshwanelo ya batho ya go itlhophela bodumedi jo ba bo batlang.

