Setswana
Basupi ba ga Jehofa ba Sekisiwa Gape Kwa Taganrog—Tshiamololo Eno e Tla Fela Leng?
https://cms-imgp.jw-cdn.org/img/p/802015532/univ/art/802015532_univ_sqr_xl.jpg

SEPTEMBER 15, 2015
RUSSIA

Basupi ba ga Jehofa ba Sekisiwa Gape Kwa Taganrog—Tshiamololo Eno e Tla Fela Leng?

Basupi ba ga Jehofa ba Sekisiwa Gape Kwa Taganrog—Tshiamololo Eno e Tla Fela Leng?

Tsheko ya Basupi ba ga Jehofa ba le 16 kwa Taganrog e tloga e ya bokhutlong. Basupi ba feditse dingwaga tse pedi ba seka ka ntlha ya tumelo ya bone. Bangwe ba ka nna ba atlholelwa go ya kgolegelong kgotsa go duela madi a mantsi thata. Kgetsi eno e e tsereng lobaka e amile Basupi jang? Go tla diragalang ka bone fa ba ka bonwa molato?