Fetela kwa tshedimosetsong

FEBRUARY 26, 2018
DIKGANG TSA LEFATSHE LOTLHE

Setsuatsue se Sentse Ditlhaketlhake Tsa Kwa South Pacific

Setsuatsue se Sentse Ditlhaketlhake Tsa Kwa South Pacific

Setsuatsue se se bidiwang Gita se sentse kwa Samoa le kwa American Samoa ka February 10-11, 2018 mme go tswa foo se ile sa ya go senya kwa Tonga ka February 12 le go baka dipula tsa merwalela.

Ga go na Mosupi ope yo o gobetseng kgotsa yo o tlhokafetseng mme go na le matlo a le mmalwa a a senyegileng thata. Dikomiti tsa Namolo di thusa batho ka dijo le ka dilo tsa go itshireletsa mo dipuleng.

Matlo a le lesome a ile a senyega thata kwa SAMOA.

Matlo a le mararo a ile a senngwa ke merwalela kwa AMERICAN SAMOA.

Bakaulengwe ba kwa mafelong ao ba thusa badumedi ka bone ba ba senyegetsweng ke matlo.

Matlo a le marataro a ile a senyega thata kwa TONGA. Bakaulengwe le bokgaitsadi ba ile ba robala mo Holong ya Bogosi.

Re itumelela gore ga go na ope wa Basupi ba ga Jehofa yo o gobetseng thata e bile Basupi ba ba wetsweng ke masetlapelo ba thusiwa ka dilo tse ba di tlhokang. Seno se re bontsha lorato lo Jesu a neng a bua ka lone.—Johane 13:34, 35.

Babegadikgang ba ka Ikgolaganya le:

Kwa Ntlokgolong: David A. Semonian wa Ofisi ya Tshedimosetso mo nomorong ya +1-845-524-3000

Kwa American Samoa: Panapa Lui, +1-684-770-0064

Kwa Samoa: Sio Taua mo nomorong ya +685-20629

Kwa Tonga: Palu Kanongata’a mo nomorong ya +676-25736