Basupi ba ga Jehofa ba Tla Simolola Letsholo la Lefatshe Lotlhe la go Laletsa Batho Kwa Segopotsong sa Loso Lwa ga Keresete
Dimilionemilione tsa Basupi ba ga Jehofa di nna le seabe mo letsholong la lefatshe lotlhe la malatsi a le 24 la go laletsa batho gore ba kopanele le bone kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete.
Basupi ba ga Jehofa ba Golola Baebele e e Tlhabolotsweng ka Mokwalo o Mogolo
Kgatiso e e tlhabolotsweng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya 2013 e golotswe ka mokwalo o mogolo gore molaetsa wa Baebele o fitlhelele batho ba le bantsi.
Dikgang Tse di Oketsegileng: Maiteko a go Thibela JW.ORG a Itaya se Fololetse
Kgotlatshekelo ya boikuelo e phimola tshwetso ya go thibela jw.org mo Russia.
Tsa Bosheng: Basupi ba ga Jehofa ba Rulaganya Tiro ya Namolo Morago ga Setsokotsane se se Maatla
Tiro ya namolo e tsweletse kwa Philippines. Tiro eno e akaretsa thuso ya baithaopi le dilwana tsa ditone di feta 190.
Dipatlisiso di Bontsha Gore Batho ba Kwa Korea Borwa ba Fetotse Mogopolo Ka go Sa Tsenele Bosole
Batho ba le bantsi ba kwa Korea Borwa ba bona go le botoka gore puso e direle ba ba sa tseneleng bosole thulaganyo ya tirelo setšhaba.
TSHWETSO: Maiteko a go Thibela JW.ORG Kwa Russia a Itaya se Fololetse
Ka Ferikgong 22, 2014, kgotlatshekelo ya boikuelo ya Russia e ganne tshwetso ya go thibela jw.org e e dirilweng ke Kgotlatshekelo ya Kgaolo ya Tsentralniy kwa toropong ya Tver ka Phatwe 7, 2013.
Armenia e Golola Ba ba Sa Tseneleng Bosole
Ke eng se se dirileng gore kgetsi e e sa bolong go sekwa e felele ka gore Basupi bano ba gololwe?
Armenia e Golola Magolegwa Otlhe a Basupi ba ga Jehofa
E le lekgetlho la ntlha fa e sa le ka 1993, ga go Mosupi ope wa ga Jehofa yo o tsentsweng mo kgolegelong kwa Armenia ka ntlha ya go sa tsenele bosole.
Setsokotsane se se Maatla Haiyan se Ripitla Bogare Jwa Philippines
Setsokotsane se se maswe se bolaile batho le go senya dilo. Basupi ba ga Jehofa ba dirisana le balaodi ba mo lefelong la kotsi go thusa batho ba ba amegileng.