Fetela kwa tshedimosetsong

BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

“Ke ne Ke na Le Dipotso di le Dintsi”

“Ke ne Ke na Le Dipotso di le Dintsi”
  • O Tshotswe ka: 1976

  • O Tsholetswe Kwa: Honduras

  • Botshelo Jwa Gagwe Jwa Pele: Moruti

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE

 Ke tsholetswe kwa toropong ya La Ceiba, kwa Honduras, ke nna wa bofelo mo baneng ba le tlhano ba ga mmê e bile ke nna fela mosimane. Ke nna fela ke sa utlweng mo ditsebeng. Re goletse mo lefelong le le kotsi, e bile re ne re sa itsholela. Botshelo jwa rona bo ile jwa tlhakatlhakana morago ga gore rre a tlhokafale kwa tirong fa ke ne ke na le dingwaga di le nnê.

 Mmê o ne a dira sotlhe se a ka se kgonang go re tlhokomela, le fa ka dinako dingwe a ne a se na madi a go nthekela diaparo. Fa pula e na, ke ne ke sitwa ka gonne ke ne ke se na diaparo tsa mariga.

 Fa ke gola, ke ne ka ithuta puo ya diatla ya kwa Honduras (LESHO) e e neng ya nthusa gore ke kgone go bua le batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng jaaka nna. Le fa mmê le bokgaitsadiake ba ne ba sa itse puo eno ya diatla ba ne ba leka go bua le nna ba dirisa diatla. Mmê o ne a nthata e bile a ntshireletsa. Le fa gone a ne a sa itse puo eno ya diatla, o ile a leka go ntlhagisa ka go goga motsoko le go nwa bojalwa. Seo se ile sa nthusa gore ke se ka ka tshwakgolwa ke sepe sa dilo tseo.

 Fa ke sa ntse ke le monnye mmê o ne a tle a tsamaye le nna kwa Kerekeng ya Katoliki, mme ke ne ke sa tlhaloganye sepe ka gonne go ne go se na ope yo o ntlhalosetsang a dirisa puo ya diatla. Ke ne ke borega, ka jalo ke ne ka tlogela go ya kerekeng fa ke na le dingwaga di le 10. Le fa go ntse jalo, ke ne ke sa ntse ke batla go ithuta ka Modimo.

 Ka 1999, fa ke ne ke na le dingwaga di le 23, ke ne ka kopana le mmê mongwe yo o neng a tswa kwa United States, yo o neng a tsena kereke ya evangelical church. O ne a mpha Baebele a bo a nthuta puo ya diatla ya kwa Amerika. (ASL). Ke ne ke rata se ke se ithutang mo Baebeleng, mme ka swetsa ka gore ke batla go nna moruti. Go tswa foo ke ne ka fudugela kwa Puerto Rico go ya go ithutela go nna moruti. Fa ke se na go boela kwa La Ceiba ka 2002, ditsala tsa me di ne tsa nthusa go bula kereke ya batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng. Patricia e ne e le mongwe wa bone, mme moragonyana o ne a nna mosadi wa me.

 E re ka ke ne ke le moruti ke ne ke rera ka se LESHO, ke bontsha batho ditshwantsho tsa ditori tsa Baebele, e bile ke tshameka dikarolo tsa batho ba ba neng ba le mo Baebeleng gore batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba kgone go tlhaloganya. Gape ke ne ke tle ke etele batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ba neng ba nna kwa ditoropong tse di gaufi le go ba thusa ka mathata a bone. Ke ne ka ba ka etela United States le Zambia. Nnete fela ke gore ke ne ke sa itse Baebele go le kalo. Ke ne ke ba ruta fela se ke se rutilweng le se ke se bonang mo ditshwantshong. Tota ke ne ke na le dipotso di le dintsi.

 Nako nngwe, maloko a kereke ya me a ne a bua maaka ka nna. Ba ne ba re ke letagwa e bile ga ke ikanyege mo mosading wa me. Ke ne ke kgobegile marapo e bile ke galefile. Nna le Patricia re ile ra tlogela kereke morago ga tiragalo eo.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE

 Basupi ba ga Jehofa ba re etetse makgetlo a le mantsi, mme ga re ise re ko re ba reetse. Fa re se na go tlogela kereke, Patricia o ne a dumela go ithuta Baebele le banyalani bangwe ba Basupi ba ga Jehofa e bong Thomas le Liccy. Ke ne ka kgatlhiwa ke gore le fa ba ne ba utlwa mo ditsebeng ba ne ba itse puo ya diatla. Ka jalo le nna ke ne ka simolola go ithuta Baebele.

 Go ne ga feta dikgwedi di le mmalwa re ithuta Baebele re dirisa dibidio tsa puo ya diatla ya kwa Amerika. Mme fa bangwe ba ditsala tsa rona ba re bolelela gore Basupi ba ga Jehofa ke balatedi ba batho, re ne ra tlogela go ithuta Baebele. Le fa gone Thomas a ne a mpontsha gore Basupi ba ga Jehofa ga ba latele batho, ke ne ke sa ntse ke sa dumele.

 Morago ga dikgwedi di le mmalwa Patricia o ne a gatelelwa thata mo maikutlong, a bo a kopa Modimo gore a tlise Basupi ba ga Jehofa gape kwa ga gagwe. Morago ga moo, moagelani wa rona yo e leng Mosupi wa ga Jehofa o ne a etela Patricia a bo a kopa Liccy gore a tle go mo tlhola. Liccy e ne e le tsala tota. O ne a etela Patricia beke le beke, a tla go mo kgothatsa e bile a ithuta Baebele ene. Mme gone, ke ne ke sa ntse ke sa tshepe Basupi.

 Ka 2012, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tswa letsholo la go naya batho ba ba buang puo ya diatla ya se-LESHO bidio ya Would You Like to Know the Truth? Liccy o ne a re tlisetsa yone. Fa ke ne ke e lebelela, ke ne ka gamarega tota fa ke bona gore dilo tse ke neng ke di ruta tse di jaaka molelo wa dihele le gore moya ga o swe, ga di yo mo Baebeleng.

 Mo bekeng e e latelang, ke ne ka ya kwa Holong ya Bogosi gore ke kgone go bua le Thomas. Ke ne ka mmolelela gore ke batla go ruta batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng Baebele, mme e seng ke le Mosupi wa ga Jehofa. Maikaelelo a me e ne e le go ipulela kereke ya batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng. Thomas o ile a nkakgolela go bo ke batla go ruta batho Baebele, mme o ile a mpontsha Baefeso 4:5, e e tlhalosang gore go tshwanetse ga nna le kutlwano mo Phuthegong ya Bokeresete.

 Gape o ne a mpha Bidio ya Basupi ba ga Jehofa—Ba Bontsha Tumelo ka Ditiro, Karolo 1: Go Tswa mo Lefifing ya puo ya diatla ya kwa Amerika. Bidio eno e tlhalosa kafa setlhopha sa banna se neng se tlhatlhoba Baebele ka gone e le gore ba kgone go tlhaloganya dithuto tsa Baebele tsa konokono. Fa ke ntse ke lebile bidio eno, ke ne ke tlhaloganya gore banna bano ba ikutlwa jang. Fela jaaka banna bano, le nna ke ne ke batla go itse nnete. Bidio eno e ne ya ntlhatswa pelo gore Basupi ba ga Jehofa ba dira sone se Baebele e se rutang. Ke ile ka simolola go ithuta Baebele gape, mme ka 2014, nna le Patricia re ne ra kolobediwa go nna bangwe ba Basupi ba ga Jehofa.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE

 Ke rata phuthego ya Basupi ba ga Jehofa ka gonne e phepa fela jaaka Modimo. Ba bua puo e e phepa e bile ba dirisana sentle le ba bangwe, ba rata kagiso e bile ba a kgothatsana. Ba a utlwana e bile ba ruta dithuto di le dingwe tsa Baebele go sa kgathalesege gore ba nna kwa nageng efe kgotsa kwa ba bua puo efe.

 Ke itumeletse go ithuta Baebele. Ka sekai, ke ithutile gore Jehofa ke Modimo Mothatayotlhe, le gore ke ene a okametseng lefatshe lotlhe. O rata batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng le ba ba utlwang. Ke lebogela go bo Modimo a nthata. Ke ithutile gore lefatshe le tla nna paradaise e ntle le gore re tla kgona go tshelela ruri re itekanetse. Ke swegaswega pelo go bona seno se direga!

 Nna le Patricia re rata go bua le batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ka Baebele. Gone jaanong re ithuta Baebele le bangwe ba ba neng ba tsena kereke le rona. Gone jaanong fa ke ruta ga ke tlhole ke na le dipotso jaaka fa ke ne ke le moruti. Kwa bofelong ke bone dikarabo tsa dipotso tse ke neng ke na le tsone fa ke ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa.