Fetela kwa tshedimosetsong

Matlotlo A a Sa Tlwaelegang Kwa Botswana

Matlotlo A a Sa Tlwaelegang Kwa Botswana

Le fa Botswana e na le moepo o mogolo wa diteemane, ka August 22 go fitlha ka August 28, 2016, Basupi ba ga Jehofa ba kwa nageng eo ba ne ba bontsha batho matlotlo a a sa tlwaelegang kwa tiragalong nngwe e e kgethegileng. Ba ile ba bontsha batho dikgatiso tsa Baebele, website ya jw.org le dibidio tse di thusang malapa gore a itumele.

Batsadi le bana ba ile ba kgatlhiwa ke dibidio tse di farologaneng tsa setlhogo se se reng, Nna Tsala ya ga Jehofa tse di thusang bana go dirisa melao ya Baebele. Dibidio tseo di ne di le mmalwa fela ka Setswana, ka jalo, batho ba le bantsi ba ile ba botsa gore ba ka di bona kae fa ba di batla.

Batho ba ba tswang kwa mafelong a a farologaneng a Botswana ba ile ba tsaya dikgatiso tsa Baebele di ka nna 10 000 mme ba le 120 ba ile ba kopa gore ba rutiwe Baebele kwa magaeng a bone. Batho ba le bantsi ba ne ba kgatlhiwa ke go bona Basupi ba phuthego ya Seesemane le ya Setswana ba bereka mmogo.

Basupi ba ga Jehofa ba ne ba newa sekgele sa maemo a ntlha ka gonne barulaganyi ba tiragalo eno ba ne ba kgatlhilwe ke tsela e ba neng ba rulagantse dikgatiso tsa bone ka yone.