Fetela kwa tshedimosetsong

A Thanolo ya Lefatshe le Lesha e Nepile?

A Thanolo ya Lefatshe le Lesha e Nepile?

Karolo ya ntlha ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ne ya gololwa ka 1950. Fa e sa le ka nako eo, batho bangwe ba ile ba akgela kgotsa ba botsa gore a Thanolo ya Lefatshe le Lesha * e nepile, ka gonne go na le dikarolo dingwe tse di farologanang le dithanolo tse dingwe tsa Baebele. Dintlha tse di latelang di ka tlhalosa mabaka a go bo go na le dipharologanyo tseo.

  • E tlhomame. Thanolo ya Lefatshe le Lesha e theilwe mo dipatlisisong tse di mo nakong tsa bakanoki le mekwalo ya seatla ya bogologolo e e ikanyegang go gaisa yotlhe. Go farologana le seo, King James Version ya 1611 e ne e theilwe mo mekwalong ya seatla e e neng e sa nepa ka botlalo e bile e se kgologolo jaaka e e dirisitsweng fa go ne go ranolwa Thanolo ya Lefatshe le Lesha.

  • E a ikanyega. Thanolo ya Lefatshe le Lesha e leka go itsise molaetsa wa ntlhantlha o o tlhotlheleditsweng ke Modimo ka boikanyegi. (2 Timotheo 3:16) Dithanolo tse dintsi tsa Baebele di latelela dingwao tsa batho go na le go ranola molaetsa wa Modimo ka boikanyegi. Ka sekai mo boemong jwa leina la Modimo, Jehofa, ba dirisa direto tse di jaaka Morena kgotsa Modimo.

  • Lefoko ka lefoko. Go farologana le dithanolo tse di tlhalosang molaetsa ka mafoko a mangwe, Thanolo ya Lefatshe le Lesha e ranola mafoko jaaka a ntse gore molaetsa o utlwale fela jaaka wa mo mekwalong ya ntlhantlha. Dithanolo tse di tlhalosang molaetsa wa ntlhantlha wa Baebele ka mafoko a mangwe di ka tsenyeletsa dikakanyo tsa batho kgotsa tsa tlogela dintlha tsa botlhokwa.

Pharologanyo fa gare ga Thanolo ya Lefatshe le Lesha le dithanolo tse dingwe

Dibuka tse di seyong. Dikereke tsa Roma Katoliki le Eastern Orthodox di tsenya dibuka tse go sa tlhomamisiwang gore di boammaaruri mo Dibaebeleng tsa bone. Le fa go ntse jalo, dibuka tseo di ne di sa tsenngwa mo lenaaneng la dibuka tsa Baebele tse di amogelwang jaaka Dikwalo Tse Di Boitshepo tsa Sejuda, mme seno se a gakgamatsa ja gonne Baebele ya re Bajuda ke bone ba ba neng “ba neilwe ditaelo tse di boitshepo tsa Modimo.” (Baroma 3:1, 2) Ka jalo, Thanolo ya Lefatshe le Lesha le dithanolo tse dingwe tsa motlha ono ga di a tsenyeletsa dibuka tseno tse go sa tlhomamisiwang gore di boammaaruri.

Ditemana tse di seyong. Go na le dithanolo tse di tsenyang ditemana kgotsa dipolelwana tse di seyong mo mekwalong ya seatla ya Baebele ya bogologolo, e leng sengwe se Thanolo ya Lefatshe le Lesha e sa se direng. Dithanolo tse dintsi tsa motlha ono ga di tsenye ditemana tseno, kgotsa di tlhalosa fa ditemana tseno di sa tswe mo tshedimosetsong e e ka ikanngwang. *

Go dirisa mafoko a a sa tshwaneng. Ka dinako tse dingwe go ranola lefoko ka lefoko ga go utlwale kgotsa go ka tsietsa. Ka sekai, mafoko a ga Jesu mo go Mathaio 5:3 gantsi a ranolwa jaana: “Go sego ba ba humanegileng mo moweng.”(Baebele e e Boitshepo;Tswana Central) Batho ba le bantsi ga ba tlhaloganye mafoko “humanegileng mo moweng”, fa ba bangwe ba akanya gore Jesu o ne a bua ka botlhokwa jwa go ikokobetsa kgotsa go humanega. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a bontsha gore boitumelo jwa mmatota bo nna gone fa re lemoga gore re tlhoka kaelo ya Modimo. Thanolo ya Lefatshe le Lesha e bontsha bokao jwa mafoko a gagwe ka nepo ka go re, “go itumela ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng.”—Mathaio 5:3. *

Dikakgelo tse di molemo tsa bakanoki ba e seng Basupi ka Thanolo ya Lefatshe le Lesha

  • Edgar J. Goodspeed, moranodi wa Baebele le mokanoki yo o tlotlegang, o ne a kwala jaana mo lekwalong la Sedimonthole 8, 1950 malebana le Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika: “Ke kgatlhegela tiro ya batho ba lona, le go bo e aname mo lefatsheng lotlhe, mme ke rata thata thanolo eno e e sa gagamalang, e e sa potapoteng le e e utlwalang sentle. Nka supa gore e bontsha gore batho ba yone ba na le kitso e kgolo thata le e e molemolemo.”

    Edgar J. Goodspeed

  • Porofesa Allen Wikgren wa Yunibesithi ya Chicago o ne a re Thanolo ya Lefatshe le Lesha ke sekao sa kgatiso e e theilweng mo puong ya motlha ono e gantsi e na leng “mekwalo e e ikemetseng ya maemo a a kwa godimo” go na le go ranola e dirisa dithanolo tse dingwe.—The Interpreter’s Bible, Bolumo I, tsebe 99.

  • Alexander Thomson, motshwayadiphoso wa Baebele ya Boritane, o ne a akgela jaana ka Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika: “Go bonala fa thanolo eno e le ya bakanoki ba ba nang le bokgoni le ba ba botlhale, ba ba ileng ba leka go tlhalosa se tota mokwalo wa Segerika o se bolelang go ya kafa puo ya Seesemane e kgonang go tlhalosa ka teng.”—The Differentiator, Moranang 1952, tsebe 52.

  • Le fa Mokwadi Charles Francis Potter a ne a akanya gore go na le mafoko a le mmalwa a a ranotsweng ka tsela e e sa tlwaelegang, o ile a bua jaana: “Eleruri baranodi bano ba ba sa itsiweng ka maina ba ranotse mekwalo ya seatla, ya Segerika le Sehebera, ka tsela e e molemo ya botswerere jwa mokanoki.”—The Faiths Men Live By, tsebe 300.

  • Le mororo Robert M. McCoy a ne a tsaya gore Thanolo ya Lefatshe le Lesha e na le dikarolo dingwe tse di sa tlwaelegang le tse di ranotsweng bontle, o ile a konela tshekatsheko ya gagwe ka gore: “Thanolo eno ya Tesetamente e Ntšha e neela bosupi jwa gore mo mokgatlhong ono [Basupi ba ga Jehofa] go na le bakanoki ba ba tshwanelegang go ka rarabolola mathata a thanolo ya Baebele ka botlhale.”—Andover Newton Quarterly, Ferikgong 1963, tsebe 31.

  • Le fa Porofesa S. MacLean Gilmour a sa dumalane le tsela e ditemana dingwe di ranotsweng ka yone mo Thanolo ya Lefatshe le Lesha, o ile a amogela gore baranodi ba yone “ba na le bokgoni jo bo sa tlwaelegang mo Segerikeng.”—Andover Newton Quarterly, Lwetse 1966, tsebe 26.

  • Porofesa Thomas N. Winter o ne a kwala jaana fa a sekaseka Thanolo ya Lefatshe le Lesha e e leng karolo ya Kingdom Interlinear Translation of the Greek Scriptures: “Thanolo eno ya komiti e e sa umakiwang ka leina e mo nakong tota e bile e tlhomame.”—The Classical Journal, Moranang-Motsheganong 1974, tsebe 376.

  • Mokanoki mongwe wa Mohebera e bong Porofesa Benjamin Kedar wa kwa Iseraele o ne a bolela jaana ka 1989: “Fa ke ntse ke tlhatlhoba puo ya Baebele ya Sehebera le dithanolo tsa yone, gantsi ke leba mo kgatisong ya Seesemane e e bidiwang Thanolo ya Lefatshe le Lesha. Ka go dira jalo, ke bona ke tlhomamisega gangwe le gape gore buka eno e supa gore bakwadi ba yone ba lekile thata gore mokwalo wa yone o tlhaloganngwe sentle ka mo go ka kgonegang ka teng.”

  • Jason David BeDuhn yo e leng porofesa wa dithuto tsa bodumedi, o ne a kwala jaana morago ga go sekaseka dithanolo tsa konokono tsa Seesemane di le robongwe: “NW [Thanolo ya Lefatshe le Lesha] ke yone e e boammaaruri go gaisa tsotlhe tse ke di tlhatlhobileng.” Batho ka kakaretso le bakanoki ba Baebele ba bantsi ba akanya gore pharologanyo ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha le dithanolo tse dingwe ke ka ntlha ya gore baranodi ba tsone ba sekametse thata mo bodumeding, mme BeDuhn ene o ne a re: “Bontsi jwa dipharologanyo tsa thanolo ya NW ke ka ntlha ya go bo e le boammaaruri thata e re ka e ranola lefoko ka lefoko ka kelotlhoko fa e ranola mafoko a ntlhantlha a bakwadi ba Tesetamente e Ntšha.”—Truth in Translation, tsebe 163, 165.

^ ser. 2 Dikakgelo tseno di malebana le kgatiso ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Seesemane pele ga e tlhabololwa ka 2013. Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Setswana e theilwe mo thanolong ya Seesemane mme go ne ga dirisiwa mekwalo ya puo ya ntlhantlha go tlhomamisa gore e ranolwa ka nepo.

^ ser. 8 Ka sekai, bona New International Version le New Jerusalem Bible ya Katoliki. Ditemana tse di tsentsweng ke Mathaio 17:21; 18:11; 23:14; Mareko 7:16; 9:44, 46; 11:26; 15:28; Luke 17:36; 23:17; Johane 5:4; Ditiro 8:37; 15:34; 24:7; 28:29; le Baroma 16:24. King James Version le Douay-Rheims Version di na le mafoko a a buang ka Tharonngwe mo go 1 Johane 5:7, 8, a a tsentsweng makgolokgolo a dingwaga Baebele e sena go kwalwa.

^ ser. 9 Ka tsela e e tshwanang, thanolo ya ga J. B. Phillips e ranola mafoko a ga Jesu ka go re, “ba ba itseng gore ba tlhoka Modimo,” mme The Translator’s New Testament e dirisa polelwana e e reng, “ba ba itseng gore ba tlhoka eng semoyeng.”