Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa ke Eng?
Ke setlhotshwana sa Bakeresete ba ba godileng sentle mo tumelong, ba tiro ya bone e leng go kaela Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe. Tiro ya bone e gabedi:
Ba tlhomamisa gore Basupi ba ga Jehofa ba rutiwa Baebele ka dikgatiso, dipokano le dikolo tsa Basupi ba ga Jehofa.—Luke 12:42.
Ba tlhokometse tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya go rera mo lefatsheng lotlhe gape ba tlhokomela ka fa meneelo e dirisiwang ka teng.
Setlhopha se se Laolang se etsa sekao sa ‘baaposetoloi le banna ba bagolwane kwa Jerusalema’ ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba direla phuthego ya Bokeresete ditshwetso. (Ditiro 15:2) Maloko a Setlhopha se se Laolang a tshwana fela le baaposetoloi, ga se baeteledipele ba phuthego ya rona. Ba ikaega ka Baebele gore e ba kaele, e bile ba a itse gore Jehofa Modimo o tlhomile Jesu Keresete go nna Tlhogo ya phuthego.—1 Bakorintha 11:3; Baefeso 5:23.
Maloko a Setlhopha se se Laolang ke bomang?
Maloko a Setlhopha se se Laolang ke Kenneth Cook, Jr., Gage Fleegle, Samuel Herd, Geoffrey Jackson, Jody Jedele, Stephen Lett, Gerrit Lösch, Jacob Rumph, Mark Sanderson, David Splane le Jeffrey Winder. Ba direla kwa ntlokgolo ya Basupi ba ga Jehofa kwa Warwick, New York, U.S.A.
Setlhopha se se Laolang se rulagantswe jang?
Setlhopha se se Laolang se rulagantswe ka dikomiti tse thataro gore se kgone go tlhokomela dikarolo tse di farologaneng tsa tiro ya rona, leloko lengwe le lengwe le direla mo komiting e le nngwe kgotsa go feta.
Komiti ya Barulaganyi: E tlhokometse dikgang tsa semolao, e tsibogela dikotsi le go bogisiwa ga Basupi ka ntlha ya tumelo ya bone gammogo le dikgang tse dingwe tse di tlhokang go potlakelwa.
Komiti ya Badiri: E tlhokomela maloko a lelapa la Bethele.
Komiti ya Kgatiso: E tlhokomela go dirwa le go romelwa ga dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng, go agiwa ga mafelo a kobamelo, diofisi tsa thanolo le makala.
Komiti ya Tirelo: E tlhokometse tiro ya rona ya go rera ‘dikgang tse di molemo tsa Bogosi.’—Mathaio 24:14.
Komiti e e Rutang: E rulaganya dithuto tse di tla dirisiwang go ruta kwa dipokanong tsa Basupi, kwa dikolong, ka dibidio le ka mantswe a a gatisitsweng.
Komiti ya Bokwadi: E okametse go kwalwa ga dikgatiso, website ya rona le tiro ya go ranola.
Mo godimo ga go bereka mo dikomiting tseno, Setlhopha se se Laolang se kopana beke le beke go sekaseka se diphuthego di se tlhokang. Fa maloko a Setlhopha se se Laolang a kopane, a dira ditshwetso a ikaegile ka Lefoko la Modimo le moya o o boitshepo; ba leka go dumalana ka bongwefela jwa pelo.—Ditiro 15:25.
Bathusi ba dikomiti tsa Setlhopha se se Laolang ke bomang?
Ke Bakeresete ba ba ikanyegang ba ba thusang mo dikomiting tsa Setlhopha se se Laolang. (1 Bakorintha 4:2) Ba na le bokgoni le maitemogelo ka tiro e e okametsweng ke komiti e ba direlang mo go yone e bile ba nna teng mo dipokanong tsa yone tsa beke le beke. Le fa gone ba sa dire ditshwetso, ba thusa ka dikgakololo le tshedimosetso e e ka tswang e tlhokega pele go ka dirwa tshwetso. Gape ba diragatsa ditshwetso tse di dirilweng ke dikomiti le go bona gore a di a atlega. Gape Setlhopha se se Laolang se kgona go ba roma kwa dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe go etela bakaulengwe, kgotsa go naya dipuo kwa ditiragalong di tshwana le pokano ya ngwaga le ngwaga kgotsa kalogo ya sekolo sa Gileade.
Komiti |
Maina |
---|---|
Barulaganyi |
|
Badiri |
|
Kgatiso |
|
Tirelo |
|
E e rutang |
|
Bokwadi |
|