Fetela kwa tshedimosetsong

Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Nne le Seabe mo Dipolotiking?

Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Nne le Seabe mo Dipolotiking?

Basupi ba ga Jehofa ga ba nne le seabe mo dipolotiking ka ntlha ya mabaka a bodumedi a a theilweng mo Baebeleng. Ga re tlhotlheletse batho go nna le seabe mo dipolotiking, ga re boutele mekgatlho ya dipolotiki kgotsa bontlhopheng, ga re batle maemo mo pusong e bile ga re leke go fetola mebuso epe. Re dumela gore Baebele e re naya mabaka a a utlwalang a gore re se dire jalo.

  • Re latela sekao sa ga Jesu, yo o neng a gana go nna le maemo mo dipolotiking. (Johane 6:15) O ne a ruta barutwa ba gagwe gore ‘ba se nne karolo ya lefatshe’ le gore ga ba a tshwanela go nna le seabe mo dipolotiking ka tsela epe.—Johane 17:14, 16; 18:36; Mareko 12:13-17.

  • Re ikanyega mo Bogosing jwa Modimo, jo Jesu a neng a bua ka jone a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni.” (Mathaio 24:14) E re ka re le baemedi ba Bogosi jwa Modimo, ba ba neilweng taelo ya go bolela ka go tla ga jone, re tswelela ka go sa tseye letlhakore mo mererong ya dipolotiki tsa dinaga tsotlhe, go akaretsa le mo nageng e re nnang mo go yone.—2 Bakorintha 5:20; Baefeso 6:20.

  • Go sa nne le seabe mo dipolotiking go re thusa go bua ka kgololesego le batho ba ba farologaneng ba dipolotiki ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Re leka go bontsha ka mafoko le ka ditiro gore re ikaegile ka Bogosi jwa Modimo gore bo rarabolole mathata a lefatshe.—Pesalema 56:11.

  • E re ka re tila dikgogakgogano tsa sepolotiki, re utlwana le bakaulengwe ba rona mo lefatsheng lotlhe. (Bakolosa 3:14; 1 Petere 2:17) Go farologana le seo, madumedi a a tsenelelang mo dipolotiking a kgaoganya maloko a one.1 Bakorintha 1:10.

Go tlotla dipuso. Le fa re se na seabe mo dipolotiking, re tlotla bolaodi jwa dipuso tse re nnang mo go tsone. Seno se dumalana le taelo ya Baebele e e reng: “A moya mongwe le mongwe o nne mo taolong ya balaodi ba bagolo.” (Baroma 13:1) Re ikobela molao, re duela makgetho e bile re dirisana le puso mo maitekong a yone a go thusa baagi ka dilo tse ba di tlhokang. Ga re nne le seabe mo go menoleng puso, go na le moo, re latela kgakololo ya Baebele ya gore re rapelele “dikgosi le botlhe ba ba mo maemong a [bolaodi],” segolobogolo fa ba dira ditshwetso tse di ka amang kgololesego ya kobamelo.—1 Timotheo 2:1, 2.

Gape re tlotla ditshwanelo tsa ba bangwe tsa go itirela ditshwetso mo dikgannyeng tsa sepolotiki. Ka sekai, ga re kgoreletse ditlhopho kgotsa ba ba batlang go bouta.

A go sa nne le seabe mo dipolotiking ke sengwe sa bosheng? Nnyaa. Baaposetoloi le Bakeresete ba bangwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le boikutlo jo bo tshwanang ka bolaodi. Buka ya Beyond Good Intentions ya re: “Le fa Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tsaya go ikobela balaodi e le boikarabelo jwa bone, ba ne ba sa nne le seabe mo dilong tse di amanang le dipolotiki.” Ka tsela e e tshwanang, buka ya On the Road to Civilization ya re Bakeresete ba bogologolo “ba ne ba gana go nna le maemo mo dipolotiking.”

A go sa nne le seabe mo dipolotiking go tsenya pabalesego ya setšhaba mo kotsing? Nnyaa. Re baagi ba ba ratang kagiso ba balaodi ba puso ba sa tshwanelang go ba boifa. Akanya ka pego ya 2001 e e gatisitsweng ke Sekolo sa Bosetšhaba sa Saense Kwa Ukraine. Fa pego eo e akgela ka go sa nne le seabe mo dipolotiking ga rona, ya re: “Mo motlheng ono bangwe ba ka tswa ba sa rate kgato eno ya Basupi ba ga Jehofa; mo nakong e e fetileng e ne e le lone lebaka la konokono la go bo dipuso tsa bobusaesi tsa Banasi le Bakomonisi di ne di ba latofatsa.” Le fa Basupi ba ne ba gatelelwa ke puso ya Soviet, ba ne ba “tswelela ka go nna baagi ba ba ikobelang molao. Ba ile ba dira ka boikanyegi le ka bopelotshweu mo masimong le kwa madirelong ba sa tshosetse puso ya Bakomonisi ka tsela epe.” Pego e ne ya konela ka gore le mo motlheng ono, ditumelo le ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa ga di “tsenye pabalesego ya naga epe mo kotsing.”