Fetela kwa tshedimosetsong

Ke Eng Fa lo Sa Dirise Sefapaano mo Kobamelong ya Lona?

Ke Eng Fa lo Sa Dirise Sefapaano mo Kobamelong ya Lona?

 Batho ba le bantsi ba tsaya sefapaano e le letshwao la Bokeresete. Le fa gone Basupi ba ga Jehofa e le Bakeresete, ga ba dirise sefapaano mo kobamelong ya bone. Ka ntlha yang?

 Lengwe la mabaka ke gore Baebele ya re Jesu ga a swela mo sefapaanong, mme o swetse mo koteng. Mo godimo ga moo, Baebele e tlhagisa Bakeresete gore ba ‘tshabe kobamelo ya medingwana,’ mo go rayang gore ba se ka ba dirisa sefapaano mo kobamelong.—1 Bakorintha 10:14; 1 Johane 5:21.

 Jesu o ne a bua ntlha eno ya botlhokwa: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:34, 35) Ka go rialo Jesu o ne a bontsha gore lorato lwa go intsha setlhabelo—e seng sefapaano kgotsa setshwantsho sepe fela—ke lone lo lo neng lo tla tlhaola balatedi ba gagwe ba mmatota.