Fetela kwa tshedimosetsong

A Basupi ba ga Jehofa Ba na Le Melao ka go Ratana?

A Basupi ba ga Jehofa Ba na Le Melao ka go Ratana?

Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore melao le melaometheo e e mo Baebeleng e ka re thusa go dira ditshwetso tse di siameng le tse di itumedisang Modimo. (Isaia 48:17, 18) Ga re a itirela melao le melaometheo eno mme re a e ikobela mo botshelong. Bona gore dintlha tse di latelang di tsamaisana jang le kgang ya go ratana. *

  • Lenyalo ke kgolagano ya leruri. (Mathaio 19:6) Basupi ba ga Jehofa ba tsaya go ratana e le kgang e e masisi ka gonne ke kgato e e ba tsenyang mo lenyalong.

  • Go ratana ke selo sa batho ba ba lekaneng go ka nyalana. Batho bao ke ba ba setseng ba fetile “nako ya bosha,” kgotsa nako e maikutlo a thobalano a leng kwa godimo thata.—1 Bakorintha 7:36.

  • Batho ba ba ratanang ba tshwanetse ba bo ba gololesegile go ka nyalana. Modimo ga a lebe batho bangwe ba ba tlhadileng semolao ba na le kgololesego ya go nyala kgotsa go nyalwa gape, ka gonne molao wa Gagwe o laela gore lebaka le le lengwe fela le le utlwalang la go tlhalana, ke fa molekane yo mongwe a dirile boitsholo jo bo sa siamang jwa thobalano.—Mathaio 19:9.

  • Baebele e laela Bakeresete ba ba batlang go nyala kgotsa go nyalwa gore ba nyalane fela le badumedimmogo le bone. (1 Bakorintha 7:39) Basupi ba ga Jehofa ga ba tseye gore taelo eno e raya motho fela yo o tlotlang tumelo ya bone, go na le moo, ba a itse gore e raya Mosupi yo o kolobeditsweng e bile a tshelela se a se dumelang. (2 Bakorintha 6:14) Modimo ga a bolo go nna a laela batlhanka ba gagwe gore ba nyalane le badumedikabone fela. (Genesise 24:3; Malaki 2:11) Tota le babatlisisi ba lemogile gore taelo eno e a thusa. *

  • Bana ba tshwanetse go ikobela batsadi ba bone. (Diane 1:8; Bakolosa 3:20) Taelo eno e akaretsa gore bana ba ba nnang kwa gae ba ikobele ditshwetso tsa batsadi ba bone malebana le go ratana. Ditshwetso tseno di ka nna tsa akaretsa gore ngwana a ka simolola go ratana a na le dingwaga tse kae le gore o letleletswe go dira dilo dife fa a ratana.

  • Basupi ba dirisa kaelo ya Dikwalo go itlhophela gore a ba tla ratana le gore ba tla ratana le mang. Seno se dumalana le molaomotheo ono o o reng: “Mongwe le mongwe o tla rwala morwalo wa gagwe.” (Bagalatia 6:5) Go ntse go le jalo, ba le bantsi ba kopa kgakololo mo Basuping ba ba godileng mo tumelong e bile ba ba batlela dilo tse molemo.—Diane 1:5.

  • Dilo tse gantsi di dirwang ke batho ba ba ratanang di amanngwa le go leofela Modimo. Ka sekai, Baebele e re laela gore re tile boitsholo jo bo maswe jwa thobalano. Seno ga se akaretse fela thobalano mme le ditiro tse dingwe tse di maswe tse di dirwang ke batho ba ba sa nyalanang, jaaka go phoraphorana dirwe tsa thobalano le thobalano ya molomo kgotsa marago. (1 Bakorintha 6:9-11) Tota le fa batho ba ba sa nyalanang ba dira ditiro tse di dirang gore ba feleletse ba le gaufi thata le go robalana, dilo tseo ke “boitshekologo” e bile ga di itumedise Modimo. (Bagalatia 5:19-21) Gape Baebele e kgala metlotlo e e leswe e e akaretsang “puo e e ferosang sebete.”—Bakolosa 3:8.

  • Pelo e boferefere. (Jeremia 17:9) E ka dira gore motho a dire dilo tse a itseng gore ga di a siama. E le gore batho ba ba ratanang ba se ka ba tsiediwa ke dipelo tsa bone, ba tshwanetse go tila go nna ba le bosi mo lefelong le ba ka raelesegang mo go lone. Baratani ba ka itshireletsa ka go nna ba na le mongwe kgotsa bangwe ba ba ka ba agang. (Diane 28:26) Bakeresete ba ba batlang go nyala kgotsa go nyalwa ba lemoga dikotsi tsa go batla molekane mo Internet, segolobogolo go ratana le motho yo ba sa mo itseng go le kalo.—Pesalema 26:4.

^ ser. 2 Go ratana ga se selo se se dirwang ke batho ba ditso tsotlhe. Baebele ga e re re tlhoka go ratana kgotsa gore go ratana ke yone fela tsela e e isang lenyalong.

^ ser. 6 Ka sekai, lokwalopaka lwa Marriage & Family Review lwa re: “Dipatlisiso ka batho ba ba nang le nako e telele ba nyalane (dingwaga di le 25 go ya go 50 le go feta) di bontshitse gore go nyalana le modumedikawena go dira gore motho a nne lobaka lo loleele mo lenyalong.”—Bolumo 38, kgatiso 1, tsebe 88 (2005).