THANOLO YA LEFATSHE LE LESHA YA DIKWALO TSE DI BOITSHEPO Bala Baebele mo Internet
Basupi ba ga Jehofa—Re Bomang?
Re batho ba ba tswang mo ditsong tse di farologaneng le ba ba buang dipuo tse di sa tshwaneng, mme gone re dirwa seoposengwe ke mekgele e e tshwanang. Selo se re se tsayang se le botlhokwatlhokwa ke go tlotlomatsa Jehofa, Modimo yo go buiwang ka ene mo Baebeleng le yo e leng Mmopi wa dilo tsotlhe. Re leka ka bojotlhe go etsa sekao sa ga Jesu Keresete mme re motlotlo go bidiwa Bakeresete. Mongwe le mongwe wa rona o ipha nako ka metlha go thusa batho ba bangwe go ithuta ka Baebele le ka Bogosi jwa Modimo. Re bidiwa Basupi ba ga Jehofa ka gonne re neela bosupi kgotsa re bua ka Jehofa Modimo le Bogosi jwa gagwe.
Sekaseka website ya rona. Bala Baebele mo Internet. Ithute go le gontsi ka rona le ka dilo tse re di dumelang.


